1
JOHANE 13:34-35
BAEBELE e e Boitshepo
TSW08NO
Ke lo naya taolo e ntšha, ya go re, lo ratane; fela jaaka ke lo ratile go re, le lona lo ratane. Batho botlhe ba tlaa itse fa lo le barutwa ba me ka mo, fa lo ratana.”
Сравни
Разгледайте JOHANE 13:34-35
2
JOHANE 13:14-15
Ke gone, fa nna yo ke leng Morena le Moruti, ke tlhapisitse dinao tsa lona, le lona lo tshwanetse go tlhapisanya dinao. Gonne ke lo beetse sekao, gore le lona lo dire jaaka ke lo diretse.
Разгледайте JOHANE 13:14-15
3
JOHANE 13:7
Jesu a mo fetola a re: “Se ke se dirang ga o se itse gompieno; mme o tlaa nama o se tlhaloganya.”
Разгледайте JOHANE 13:7
4
JOHANE 13:16
Ammaaruri, ammaaruri, ke a lo raya, motlhanka ga a mogolo go feta morena wa gagwe; le yo o romilweng ga a mogolo go feta yo o mo romileng.
Разгледайте JOHANE 13:16
5
JOHANE 13:17
Fa lo itse dilo tse, lo sego fa lo di dira.
Разгледайте JOHANE 13:17
6
JOHANE 13:4-5
a ema ka dinao mo selalelong, a baya diaparo tsa gagwe tsa ka fa godimo, mme a tsaya sephimolo, a ikgatlha ka sone. Foo a thela metsi mo mogotswaneng, a simolola go tlhapisa dinao tsa barutwa, a di phimola ka sephimolo se o ikgatlhileng ka sone.
Разгледайте JOHANE 13:4-5
Начало
Библия
Планове
Видеа