1
MAREKO 14:36
Setswana 1970
A ba a re: “Abba, Rra, dilo tsotlhe o a di kgona; tlosa senwelo se fa go nna. Fela go se nne ka fa go rateng ga me, go nne ka fa go rateng ga gago.”
Compare
Explore MAREKO 14:36
2
MAREKO 14:38
Tlhokomelang, lo rapele, gore lo se tsene mo thaelong; mowa ona o tlhaga, mme nama e bokoa.”
Explore MAREKO 14:38
3
MAREKO 14:9
Ammaaruri ke lo raya ke re: Gongwe le gongwe kwa Efangele e tla rerwang teng mo lefatsheng lotlhe, le sona se ene a se dirileng se tla bolelwa teng gore a gopolwe ka sona.”
Explore MAREKO 14:9
4
MAREKO 14:34
A ba raya a re: “Mowa wa me o hutsafetse thata mo go isang losong; salang fa, lo se robale.”
Explore MAREKO 14:34
5
MAREKO 14:22
Jaanong ya re ba ja, a tsaya senkgwe, a leboga, a se nathoganya, a se ba naya a re: “Tsayang lo je! Se ke mmele wa me.”
Explore MAREKO 14:22
6
MAREKO 14:23-24
A ba a tsaya senwelo, a leboga, a se ba neela, mme ba nwa botlhe ka sona. A ba raya a re: “Se ke madi a me a kgolagano e ntšhwa a a tshololwang ka ntlha ya ba bantsi.
Explore MAREKO 14:23-24
7
MAREKO 14:27
Jaanong Jesu a ba raya a re: “Lo tla kgotšwa lotlhe; gonne go kwadilwe ga twe: ‘Ke tla itaya modisa, mme dinku di tla faladiwa.’
Explore MAREKO 14:27
8
MAREKO 14:42
Tsogang, re tsamaeng! Bonang, yo o ntshwarisang o atametse.”
Explore MAREKO 14:42
9
MAREKO 14:30
Jesu a mo raya a re: “Ammaaruri ke go raya ke re: Kajeno mo bosigong jono, wena o tla intatola gararo, mokoko o ise o lele gabedi.”
Explore MAREKO 14:30
Home
Bible
Plans
Videos