1
MAREKO 16:15
Setswana 1970
A ba a ba raya a re: “Yaang le lefatshe lotlhe, lo rerele lobopo lotlhe Efangele.
Compare
Explore MAREKO 16:15
2
MAREKO 16:17-18
Ditshupo tse di tla supelang ba ba dumelang ke tse: Ba tla kgarameletsa medemone ntle ka leina la me; ba tla bua ka diteme tse dintšhwa. Ba tla tsholetsa dinoga; mme le fa ba ka nwa se se bolayang, ga se nke se ba dira sepe. Ba tla baya balwetse diatla, mme ba tla fola.”
Explore MAREKO 16:17-18
3
MAREKO 16:16
Yo o dumelang, a ba a kolobediwa, o tla pholosiwa; yo o sa dumeleng ene o tla atlholwa.
Explore MAREKO 16:16
4
MAREKO 16:20
Mme bone ba tswa, ba rera mo dintlheng tsotlhe, Morena a ntse a dira nabo, a tlhomamisa Lefoko ka ditshupo tse di le latelang.
Explore MAREKO 16:20
5
MAREKO 16:6
La ba raya la re: “Se reregeng; lo batla Jesu wa Nasaretha yo o neng a bapotswe. O tsogile, ga a yo fa! Bonang felo fa ba ne ba mmeile teng!
Explore MAREKO 16:6
6
MAREKO 16:4-5
Mme ya re ba leba, ba bona lentswe le pitikolotswe; gonne le ne le le legolo thata. Ya re ba tsena mo lebitleng, ba bona lekau le ntse ka fa ntlheng ya le le jang, le apere kobo e tshweu; ba be ba rerega.
Explore MAREKO 16:4-5
Home
Bible
Plans
Videos