YouVersion Logo
Search Icon

GENESI 19

19
Bosula jwa batho ba Sotoma
1Baengele ba babedi ba ne ba fitlha kwa Sotoma mantsiboa, Lote a ntse fa kgorong ya Sotoma. Ya re Lote a ba bona, a nanoga, a ba kgatlhantsha, a ikobela fa fatshe ka sefatlhego, 2a re: “Barena ba me, a ko lo fapogele kwa lapeng la motlhanka wa lona, lo lale, lo tlhape dinao. Lo ka phakela, lwa wela tseleng ya lona.” Mme ba re: “Nnyaya! Re tla lala mo dipatlelong.”
3Jaanong ya re a ba rapela thata, ba fapogela kwa go ene, ba tsena mo ntlong ya gagwe; a ba direla dijo, a besa dinkgwe tse di sa bedisiwang, mme ba ja.
4Ya re ba ise ba robale, banna ba motse wa Sotoma ba dikanyetsa ntlo, ba bašwa le ba bagolo, e le morafe otlhe, go sa tlhokafale ope, 5ba kua Lote, ba mmotsa ba re: “Banna bale ba kae ba ba tlileng kwa go wena bosigo? Ba ntshetse kwa go rona gore re ba senye.”
6Lote a tswela kwa go bone fa mojako, a tswala setswalo fa morago ga gagwe, 7a re: “Ba ga etsho, ke a lo rapela, se direng bosula. 8A ko lo bone, ke na le bomorwadiake ba babedi, ba ba iseng ba itse monna. A nke ke ba ntshetse kwa go lona gore lo ba direle ka fa thatong ya lona. Fela banna bao se ba direng sepe. Gonne ke ka moo ba tlileng mo tshireletsong ya ntlo ya me.”
9Mme ba re: “Thiboga foo!” Ba re: “O tlile fela o le moeng, mme jaanong o rata go re laola. Jaanong ge, re tla go direla bosula bogolo go bale.” Ba pitlaganya monna, e bong Lote thata, ba atamela go thuba setswalo. 10Ke fa banna bale ba ntsha mabogo, ba gogela Lote kwa go bone mo ntlong, ba tswala setswalo; 11ba otla banna ba ba fa mojakong wa ntlo ka bofofu, ba bašwa le ba bagolo, mo ba itapiseditseng lefela go batla mojako.
Phologo ya ga Lote
12Ke fa banna bao ba botsa Lote ba re: “O na le bomang mono kwa ntle ga ba lapa? Tsaya bagwe le bomorwao le bomorwadio le botlhe ba e leng ba ga eno mo motseng, o ba ntshe mo felong fano! 13Gonne re tla senya felo fano, ka selelo se le segolo ka ga ba mono fa pele ga Morena, mme Morena o re romile go tla go ba senya.”
14Lote a tswa, a ya go bua le bagwe ba gagwe ba ba neng ba tla nyala bomorwadie, a re: “Nanogang lo tswe mo felong fa, gonne Morena o tla senya motse o!” Mme bagwe ba gagwe ba ne ba re, o bolela metlae fela.
15Ya re mahube a tlhatloga, baengele ba kurusa Lote ba re: “Nanoga o tshabe le mosadi wa gago le bomorwadio ba babedi ba ba nang nao, e se re gongwe wa nyelela ka boikepo jwa motse o!” 16Mme ya re a diega, banna bao ba tshwara Lote le mosadi wa gagwe le bomorwadie ba babedi mabogong, ba ba ntsha, ba ba ntshetsa kwa ntle ga motse – gonne Morena o ne a rata go ba rekegela. 17Ya re ba sena go ba ntshetsa kwa ntle, mongwe a re: “Tshaba o boloke bophelo jwa gago! Se gadime, se emaeme gope mo lebaleng le! Tshabela kwa dithabeng gore o se nyelele!”
18Mme Lote a ba araba a re: “Ka thapelo, Morena, a go se nne jalo! 19A ko o bone, motlhanka wa gago o bonye bopelotlhomogi mo matlhong a gago; o ntiretse ka boutlwelo-botlhoko jo bogolo, wa boloka bophelo jwa me; fela ke palelwa ke go tshabela kwa dithabeng; gongwe tatlhego e tla nkwela, ke swa. 20A ko o bone motse o, o gaufi go ka tshabela teng; ona o monnye, nte ke tshabele teng gore ke phele, ka e le o monnye.”
21A mo araba a re: “Go siame, kopo e ya gago le yona ke e utlwile; ga nkitla ke senya motse o ò buileng ka ga ona. 22Itlhaganele o tshabele teng, gonne ga ke kgone go dira sepe o ise o fitlhe teng.” Ke ka moo ba biditseng motse oo Soare.
Tshenyego ya Sotoma le Gomora
23Ya re Lote a tsena kwa Soare, letsatsi la bo le tlhaba mo lefatsheng. 24Ke fa Morena a nesetsa Sotoma le Gomora sebabole le molelo tse di tswang mo Moreneng kwa legodimong. 25A ribegetsa metse eo le naga yotlhe ya teng le baagi botlhe ba metse eo le tse di tlhogileng fa fatshe. 26Mosadi wa gagwe a gadima a le fa morago ga gagwe, jaanong a fetoga sesana sa letswai.
27Ya re ka moso Aborahame a phakela, a ya kwa felong fa a neng a eme teng fa pele ga Morena, 28a leba kwa Sotoma le Gomora le kwa lebaleng lotlhe la teng, a bona musi o tlhatloga mo lefatsheng jaaka musi wa leiso le legolo. 29E rile Modimo o senya metse ya lebala leo, Modimo wa gopola Aborahame, wa ntsha Lote mo thibegetsong, fa o ribegetsa metse e Lote a neng a agile mo go yona.
Tlhago ya Bamoabe le Baamone
30Lote a huduga kwa Soare, a nna kwa thabeng, a na le bomorwadie ba babedi, gonne a boifa go aga kwa Soare; a nna mo logageng, ene le bomorwadie ba babedi. 31Jaanong yo mogolo a raya monnawe a re: “Rraarona o tsofetse. Ga go na monna mo lefatsheng yo o ka nnang le rona jaaka e le mokgwa wa lefatshe lotlhe. 32Tlaya, a re nose rraarona weine, re robale nae, re tsose losika ka rraarona.” 33Ba dira jalo. Ba nosa rraabo weine bosigo joo; yo mogolo a tsena, a robala le rraagwe; mme ene a se ka a lemoga, fa a robala le fa a tsoga.
34Ya re kamoso yo mogolo a raya monnawe a re: “Bona, ke letse ke robetse le rre. A re mo nose weine gape bosigo gore le wena o tsene o robale nae, mme re tsose losika ka rraarona.” 35Ba dira jalo. Ba nosa rraabo weine le bosigo joo; yo mmotlana a ya a robala nae; mme ene a se ka a lemoga, fa a robala le fa a tsoga. 36Bomorwadia Lote ba nna baimana jalo ka rraabo ka bobedi jwa bone. 37Yo mogolo a belega ngwana wa mosimane, a mmitsa Moabe; ke ene Rra-Bamoabe ba metlha eno. 38Yo mmotlana le ene a belega ngwana wa mosimane, a mo taya leina la Benami; ke ene Rra-Baamone ba metlha eno.

Currently Selected:

GENESI 19: TSW70

Highlight

Share

Copy

None

Want to have your highlights saved across all your devices? Sign up or sign in