Reetsa: O tla ithwala, ò belega ngwana wa mosimane, leina la gagwe ò le bitse Jesu. Ene yoo o tla nna mogolo, a bidiwa Morwa Mogodimodimo. Morena Modimo o tla mo naya sedulo sa bogosi sa ga Dafita rraagwe. O tla nna kgosi mo ntlong ya ga Jakobe ka bosakhutleng; bogosi jwa gagwe ga bo nke bo nna le bokhutlo.”