1
JOHANE 10:10
Setswana 1970
Legodu le tla fela go utswa le go bolaya le go senya. Nna ke tsile gore di baane le bophelo, di be di nne le letlotlo.
Bandingkan
Telusuri JOHANE 10:10
2
JOHANE 10:11
“Ke nna modisa yo o molemo; modisa yo o molemo o beela dinku bophelo jwa gagwe.
Telusuri JOHANE 10:11
3
JOHANE 10:27
Dinku tsa me di utlwa lentswe la me, ke a di itse, mme di ntshala morago.
Telusuri JOHANE 10:27
4
JOHANE 10:28
Ke di naya bophelo jo bo sa khutleng. Ga di ka ke tsa latlhega, le fa e le ka motlha ope; le gona ga go ope yo o ka di phamolang mo seatleng sa me.
Telusuri JOHANE 10:28
5
JOHANE 10:9
Ke nna kgoro. Fa mongwe a tsena ka nna, o tla pholosiwa; o tla tsena, a tswa, e bile o tla bona mafulo.
Telusuri JOHANE 10:9
6
JOHANE 10:14
Ke nna modisa yo o molemo; ke itse tsa me, e bile ke itsiwe ke tsa me
Telusuri JOHANE 10:14
7
JOHANE 10:29-30
Rre yo o di nneileng o mogolo go botlhe, mme ga go ope yo o ka di phamolang mo seatleng sa ga Rre. “Nna le Rara re bongwefela.”
Telusuri JOHANE 10:29-30
8
JOHANE 10:15
jaaka Rara a nkitse, le nna ke itse Rara; ke bile ke beela dinku bophelo jwa me.
Telusuri JOHANE 10:15
9
JOHANE 10:18
Ga go ope yo o ka bo nkamogang, ke nna ke bo neelang ka bogame. Ke na le thata go bo neela, ke bile ke na le thata go bo tsaya gape. Taolo e ke e amogetse mo go Rre.”
Telusuri JOHANE 10:18
10
JOHANE 10:7
Foo Jesu a bua gape nabo a re: “Ammaaruri, ammaaruri ke lo raya ke re: Ke nna kgoro ya dinku.
Telusuri JOHANE 10:7
11
JOHANE 10:12
Yo e leng morapiwa, e se modisa, yo dinku e seng tsa gagwe, fa a bona phiri e tla, o tlogela dinku, a tshabe, phiri e di tshware, e di falatse.
Telusuri JOHANE 10:12
12
JOHANE 10:1
“Ammaaruri, ammaaruri ke lo raya ke re: Yo o sa tseneng ka kgoro ya lesaka la dinku, mme a tlolela go sele, ke legodu le senokwane.
Telusuri JOHANE 10:1
Beranda
Alkitab
Rencana
Video