1
LUKE 6:38
BAEBELE e e Boitshepo
nayang, mme lo tlaa newa, selekanyo se se molemo, se se katetsweng, se se tsikitleditsweng, se se penologang, batho ba tlaa se lo naya mo dihubeng tsa lona. Gonne ka selekanyo se lo lekanyang ka sone lo tlaa ba lo lekanyediwa ka sone fela.
Karşılaştır
LUKE 6:38 keşfedin
2
LUKE 6:45
Motho yo o molemo o ntsha se se molemo mo lohumong lo lo molemo lwa pelo ya gagwe; le motho yo o bosula, o ntsha se se bosula mo lohumong lo lo bosula (lwa pelo ya gagwe); gonne go bua ga molomo wa gagwe go tle go tswe mo go se se tletseng mo pelong.
LUKE 6:45 keşfedin
3
LUKE 6:35
Mme lona, ratang baba ba lona, ba direleng molemo, adimang fela, lo sa tlhoboge gope; mme tuelo ya lona e tlaa nna kgolo, mme lo tlaa nna bana ba Mogodimodimo; gonne ene o pelonomi mo go ba ba sa lebogeng, le mo go ba ba bosula.
LUKE 6:35 keşfedin
4
LUKE 6:36
Ke gone lona lo nne kutlwelobotlhoko fela, jaaka Rraalona le ene a le kutlwelobotlhoko.
LUKE 6:36 keşfedin
5
LUKE 6:37
“Le gone lo se ka lwa sekisa, mme ga lo ketla lo sekisiwa; se boneng batho molato, mme ga lo ketla lo bonwa molato; rebolang, mme lo tlaa rebolwa
LUKE 6:37 keşfedin
6
LUKE 6:27-28
“Ke raya lona ba lo utlwang ke re, ratang baba ba lona, ba ba lo ilang lo ba direle molemo. Lo segofatse ba ba lo hutsang, lo rapelele ba ba lo gobololang.
LUKE 6:27-28 keşfedin
7
LUKE 6:31
Fela jaaka lo rata batho ba lo direla, le lona lo ba direle fela jalo.
LUKE 6:31 keşfedin
8
LUKE 6:29-30
Ene yo o go fapholang mo lesameng lengwe, mo neele le le lengwe; le yo o go tseelang kobo, le kojana o se ka wa gana ka yone. Naya mongwe le mongwe yo o go lopang, le yo o go tseelang dilwana tsa gago, o se ka wa ba wa di mo lopa.
LUKE 6:29-30 keşfedin
9
LUKE 6:43
“Gonne ga go na setlhare sepe se se molemo, se se tleng se ungwe loungo lo lo bosula; le gone ga go setlhare se se bosula, se se tleng se ungwe loungo lo lo molemo.
LUKE 6:43 keşfedin
10
LUKE 6:44
Gonne setlhare sengwe le sengwe se itsiwe ka loungo lwa sone. Gonne batho ga ba ke ba hula difeige mo ditlhareng tse di mitlwa, le fa e le loungo lwa mofine mo monganeng.
LUKE 6:44 keşfedin
Ana Sayfa
Kutsal Kitap
Okuma Planları
Videolar