1
LUKA 23:34
Setswana 1970
Jesu a bua a re: “Rara, ba itshwarele; gonne ga ba itse se ba se dirang.” Mme ba kgaogana diaparo tsa gagwe ka go tlhama tengwa.
አወዳድር
{{ጥቅስ}} ያስሱ
2
LUKA 23:43
Jesu a mo raya a re: “Ammaaruri ke go raya ke re: Kajeno o tla nna le nna mo Parateiseng.”
3
LUKA 23:42
A ba a raya Jesu a re: “Morena, o nkgopole motlhang o tsenang mo bogosing jwa gago.”
4
LUKA 23:46
Foo Jesu a goa ka lentswe le legolo a re: “Rara, ke neela mowa wa me mo diatleng tsa gago!” Ya re a sena go bua jalo, a ntsha mowa.
5
LUKA 23:33
E rile ba fitlha mo felong fa go bidiwang “Logata”, ba mmapolela teng le basenyi bao, mongwe ka fa letsogong le le jang, yo mongwe ka fa go la molema.
6
LUKA 23:44-45
Jaanong e ne e setse e ka nna nako ya motshegare; mme ga nna lefifi mo lefatsheng lotlhe go ya nakong ya boraro thapama, letsatsi la fifala; lesire la Tempele la gagoga ka bogare.
7
LUKA 23:47
E rile molaodi-wa-lekgolo a bona se se dirafetseng, a galaletsa Modimo a re: “Ruri, motho yo e ne e le mosiami.”
ቤት
መጽሐፍ ቅዱስ
እቅዶች
ቪዲዮዎች