1
MAREKO 10:45
BAEBELE e e Boitshepo
Gonne ruri Morwa Motho ga a a ka a tla go direlwa, mme e le go direla, le go ntsha botshelo jwa gagwe, gore e nne serekololo sa batho ba le bantsi.”
Compare
Explore MAREKO 10:45
2
MAREKO 10:27
Jesu a ba leba a re: “Mo bathong go retetse, mme e seng mo Modimong, gonne mo Modimong dilo tsotlhe di ka dirafala.”
Explore MAREKO 10:27
3
MAREKO 10:52
Jesu a mo raya a re: “Tsamaya, tumelo ya gago e go fodisitse.” Mme a akofa a amogela pono ya gagwe, a ba a mo sala morago mo tseleng.
Explore MAREKO 10:52
4
MAREKO 10:9
Ke gone, a motho a se kgaoganye tse Modimo o di kopantseng.”
Explore MAREKO 10:9
5
MAREKO 10:21
Mme Jesu a mo leba, a mo rata, mme a mo raya a re: “O tlhoka selo se le sengwe fela: Ya go rekisa tsotlhe tse o nang natso, o abele bahumanegi, mme o tlaa nna le khumo kwa legodimong; o bo o tle o ntshale morago.”
Explore MAREKO 10:21
6
MAREKO 10:51
Jesu a mo fetola a re: “O rata ka go direlang?” Monna wa sefofu a mo raya a re: “Moruti, a nke ke amogele pono ya me.”
Explore MAREKO 10:51
7
MAREKO 10:43
Go se ka ga nna jalo mo go lona; le fa e le mang yo o ratang a ka bo a le mogolo mo go lona, a a nne modiredi wa lona.
Explore MAREKO 10:43
8
MAREKO 10:15
Ammaaruri ke a lo raya, le fa e le mang yo o se ketlang a tshola bogosi jwa Modimo jaaka ngwanyana, ga a ketla a tsena mo go jone gope.”
Explore MAREKO 10:15
9
MAREKO 10:31
Bantsi ba e neng e le ba pele ba tlaa nna ba morago; le ba morago ba nne ba kwa pele.”
Explore MAREKO 10:31
10
MAREKO 10:6-8
E sa le ka tshimologo ya tlholego, go twe: ‘O ba bopile nona le tshadi.’ ‘Ke gone ka moo monna o tlaa tlogelang rraagwe le mmaagwe, a ngaparela mosadi wa gagwe; mme bobedi jo bo tlaa nna nama e le nngwe fela; jalo ba bo ba sa tlhole ba le babedi, ke nama e le nngwe fela.’
Explore MAREKO 10:6-8
Home
Bible
Plans
Videos