1
MAREKO 9:23
BAEBELE e e Boitshepo
Jesu a mo raya a re: “Wa re: ‘Fa o nonofile!’ Aitse dilo tsotlhe di ka diralela yo o dumelang.”
Compare
Explore MAREKO 9:23
2
MAREKO 9:24
Foo rra ngwana a goa a re: “Ke a dumela; thusa go tlhoka go dumela ga me.”
Explore MAREKO 9:24
3
MAREKO 9:28-29
Ya re a sena go tsena mo ntlong, barutwa ba gagwe ba mmoletsa kwa thoko, ba re: “Re ne re sa nonofa ka ntlha yang go o kgoromeletsa ntle?” A ba raya a re: “O o ntseng jaana ga o ka ke wa tswa ka sepe, fa e se ka thapelo, (le ka go ikitsa go ja).”
Explore MAREKO 9:28-29
4
MAREKO 9:50
“Letswai le molemo; mme fa letswai le senyegile molodi, le tlaa lokwa ka eng? Nnang le letswai mo go lona, mme lo agisanye.”
Explore MAREKO 9:50
5
MAREKO 9:37
“Le fa e le mang yo o tlaa tsholang mongwe wa banyana ba ba ntseng jaana, ka leina la me, o tshola nna; le gone le fa e le mang yo o tsholang nna, ga a tshole nna, o tshola ene yo o nthomileng.”
Explore MAREKO 9:37
6
MAREKO 9:41
Gonne le fa e le mang yo o tlaa lo nosang metsi ka senwelo, ka gobo lo le ba ga Keresete, ammaaruri ke a lo raya, ga a ketla a tlhoka tuelo ya gagwe gope.
Explore MAREKO 9:41
7
MAREKO 9:42
“Mme le fa e le mang yo o tlaa kgopang mongwe wa ba babotlana ba, ba ba dumelang mo go nna, go ka nna molemo bogolo mo go ene fa lolwala lo logolo lo ka gokelelwa mo thamong ya gagwe, mme a thabuediwa mo lewatleng.
Explore MAREKO 9:42
8
MAREKO 9:47
Fa leitlho la gago le go kgopa, o le gonye; go ka nna molemo mo go wena go tsena mo bogosing jwa Modimo o le moitlho, bogolo go go latlhelwa o le matlho mabedi mo moleteng.
Explore MAREKO 9:47
Home
Bible
Plans
Videos