YouVersion Logo
Search Icon

GENESI 15

15
Tsholofetso ya Modimo le tumelo ya ga Aborame
1Morago ga dilo tseo Lefoko la Morena la tla kwa go Aborame ka pono la re: “Aborame, se boife! Ke nna thebe ya gago; tuelo ya gago e kgolo thata.”
2Mme Aborame a re: “Morena Modimo, o tla mpha eng, ka e le fa ke tla tsamaya, ke se na bana? Mme Eliesere yo wa kwa Damaseko o tla ja boswa jwa lapa la me.” 3Aborame a ba a re: “Bona, nna ga o a mpha ngwana; mme motlhanka wa lapa la me o tla rua tsa me.”
4Ke fa Lefoko la Morena le tla kwa go ene le re: “Nnyaya, yoo ga a nke a rua tsa gago, mme yo o tswang mo mmeleng wa gago, ke ene yo o tla jang boswa jwa gago.” 5A ba a mo ntshetsa kwa ntle a mo raya a re: “A ko o lelale kwa legodimong, o bale dinaledi, fa o ka kgona go di bala!” A ba a mo raya a re: “Losika lwa gago lo tla nna kalo.”
6Aborame a dumela Morena; mme tumelo eo ya kaiwa tshiamo ya gagwe.
7A ba a mo raya a re: “Ke nna Morena ke go ntshitseng kwa Ure wa Kalatea go tla go go naya lefatshe le, go le rua.”
8Mme a re: “Morena Modimo, ke tla itse ka eng, fa ke tla le rua?”
9A mo araba a re: “Ntlisetse kgomo ya dinyaga di le tharo le podi ya ngwaga tse tharo le phelehu ya ngwaga tse tharo le lephoi le leeba.” 10Aborame a mo tsisetsa tsotlhe tseo, a di fatola ka bogare; a baya mefama a e lebagantse. Fela dinonyane a se ka a di fatola. 11Jaanong dinonyane tse di jang nama tsa fologela mo ditotong tseo, mme Aborame a di koba.
12Jaanong ya re letsatsi le batla go phirima, Aborame a welwa ke boroko jo bogolo, mme letshogo le lefifi le legolo tsa mo tlela. 13Ke fa Morena a raya Aborame a re: “O tshwanetse go itse gore losika lwa gago e tla nna baeng mo lefatsheng le e seng la bone. Ba tla nna batlhanka teng, ba gatelelwa dinyaga di le 400. 14Mme le setšhaba seo se ba tla nnang batlhanka ba sona ke tla se otla; morago ga moo ba tla huduga ka dithoto tse dikgolo. 15Mme wena o tla ya kwa go borraago ka kagiso; o tla fitlhwa o tsofetse ka botlalo. 16Ba tla boela kwano e le ba losika lwa bone. Gonne kajeno molato wa Baamori ga o ise o tlale.”
17Jaanong ya re letsatsi le sena go phirima, go le lefifi thata, ga bonala sebeso se se kuang musi le kgabo ya molelo e raletse fa gare ga mehama ele. 18Ka letsatsi leo Morena a dira kgolagano le Aborame a re: “Lefatshe le ke tla le naya losika lwa gago go simolola kwa nokeng ya Egepeto go fitlha kwa nokeng e kgolo, nokeng ya Ferathe, 19e bong lefatshe la Bakeni le Bakenisi le Bakatemoni 20le Bahethe le Baferesi le Barefaime 21le Baamori le Bakanana le Bagiregasi le Bajebusi.”

Currently Selected:

GENESI 15: TSW70

Highlight

Share

Copy

None

Want to have your highlights saved across all your devices? Sign up or sign in