YouVersion Logo
Search Icon

GENESI 17

17
Bogwera ke sesupo sa kgolagano
1E rile Aborame a le dinyaga di le 99, Morena a iponatsa mo go ene, a mo raya a re: “Ke nna Modimo Rra-thata-yotlhe! Sepela fa pele ga me, foo o nne mosiami. 2Ke tla dira kgolagano ya me fa gare ga me le wena, ke go atisa thata thata.” 3Ke fa Aborame a wela fa fatshe ka sefatlhego, mme Modimo wa bua nae wa re: 4“Kgolagano ya me nao ka fa lotlhakoreng lwa me ke ya go re: Ò tla nna rra-bontsi jwa ditšhaba. 5Ka moo ga o nke o tlhola o bidiwa Aborame, mme leina la gago e tla nna Aborahame; gonne ke tla go dira rra-bontsi jwa ditšhaba. 6Ruri, ke tla go atisa gagolo thata, ke go dira ditšhaba; le dikgosi di tla tswa mo go wena.
7“Ke tla tlhomamisa kgolagano ya me fa gare ga me le wena le bana ba gago morago ga gago ba losika longwe le longwe gore e nne kgolagano e e sa khutleng ya go re: Ke tla nna Modimo wa gago le wa bana ba gago morago ga gago. 8Lefatshe le o leng moeng mo go lone, e leng lefatshe lotlhe la Kanana, ke tla le go naya le bana ba gago morago ga gago go nna boswa jo bo sa khutleng, mme ke tla nna Modimo wa bone.”
9Jaanong Modimo wa raya Aborahame wa re: “Fela o tshegetse kgolagano ya me, wena le bana ba gago morago ga gago mo losikeng longwe le longwe lwa bone. 10Kgolagano ya me fa gare ga me le lona le bana ba gago morago ga gago e lo tshwanetseng go e tshegetsa ke e: A banna le basimane botlhe ba lona ba rupisiwe! 11Lo rupisiwe mo nameng ya letlalo la bonna jwa lona; seo e tla nna sesupo sa kgolagano gare ga me le lona. 12A go rupisiwe mosimanyana mongwe le mongwe wa lona a le malatsi a le 8 mo ditshikeng tsotlhe tsa lona le motlhanka yo o tsaletsweng mo ntlong le yo o rekilweng ka selefera le fa e le moeng wa kae le kae, yo e seng wa losika lwa lona. 13Batlhanka ba ba tsaletsweng mo ntlong ya gago le ba ba rekilweng ka selefera ya gago ba tshwanetse go rupisiwa. Kgolagano ya me e tla nna jalo mo nameng ya lona, e le kgolagano e e sa khutleng. 14Mme monna le mosimane yo o nang le letlalo la bonna yo o sa rupisiwang mo nameng ya letlalo la bonna jwa gagwe, motho yoo a a nyelediwe mo morafeng wa ga gabo; o sentse kgolagano ya me.”
15Modimo wa ba wa raya Aborahame wa re: “Sarai, mosadi wa gago, o se ka wa tlhola o mmitsa Sarai, mme leina la gagwe a e nne Sara. 16Ke tla mo tshegofatsa, mme le ka ene ke tla go naya ngwana wa mosimane; ke tla mo tshegofatsa gore a nne mmaditšhaba; dikgosi tsa merafe di tla tswa mo go ene.”
17Ke fa Aborahame a wela fa fatshe ka sefatlhego, a tshega, a ipotsa mo pelong a re: “A nka tsalelwa ngwana ke le dinyaga di le lekgolo? A Sara le ene o ka belega a setse a le dinyaga di le 90?” 18Ke fa Aborahame a raya Modimo a re: “Ao! A go phele Isemaele fa pele ga gago!”
19Mme Modimo wa re: “Ruri, Sara mosadi wa gago o tla go belegela ngwana wa mosimane; o mo tee leina la Isaka. Ke tla tlhomamisa kgolagano ya me nae le losika lwa gagwe morago ga gagwe gore e nne kgolagano e e sa khutleng. 20Le ka ga Isemaele ke go utlwile, bona, ke tla mo tshegofatsa, ke mo atisa, ke mo ntsifatsa gagolo thata. O tla tsala dikgosi di le 12. Ke tla mo dira setšhaba se segolo. 21Mme kgolagano ya me ke tla e tlhomamisetsa Isaka yo Sara o tla mo go belegelang ngwaga o o tlang ka sona sebaka se.” 22Jaanong ya re Modimo o sena go bua nae wa tlhatloga, wa tlogela Aborahame.
23Ke fa Aborahame a tsaya Isemaele morwawe le batlhanka botlhe ba ba tsaletsweng mo ntlong ya gagwe le botlhe ba ba rekilweng ka selefera ya gagwe, e bong ba batonanyana botlhe ba batho ba lelapa la ga Aborahame, a rupisa nama ya letlalo la bonna jwa bone ka lone letsatsi leo, fela jaaka Modimo o mo laetse. 24Aborahame o ne a le dinyaga di le 99, fa a rupisiwa nama ya letlalo la bonna jwa gagwe. 25Isemaele morwawe o ne a le dinyaga di le 13, fa a rupisiwa nama ya letlalo la bonna jwa gagwe. 26Ka letsatsi lone leo go rupisitswe Aborahame le Isemaele morwawe. 27Le gona ga rupisiwa nae banna botlhe ba ntlo ya gagwe, e bong batlhanka ba ba tsaletsweng mo ntlong le ba ba rekilweng ka madi mo bathong ba sele.

Currently Selected:

GENESI 17: TSW70

Highlight

Share

Copy

None

Want to have your highlights saved across all your devices? Sign up or sign in