YouVersion Logo
Search Icon

GENESI 22

22
Teko ya ga Aborahame. Setlhabelo sa kwa Moria
1E rile morago ga ditirafalo tse, Modimo wa leka Aborahame, wa mo raya wa re: “Aborahame!” A araba a re: “Ke fano.”
2Ke fa o re: “A ko o tsee morwao yo o esi yo ò mo ratang, ene Isaka, o ye kwa nageng ya Moria, o mo dire setlhabelo sa phiso teng mo go nngwe ya dithaba e ke tla e go supetsang.”
3Ke fa Aborahame a phakela ka moso, a belesa esele ya gagwe, a tsaya batlhanka ba le babedi ba gagwe, le Isaka morwawe, ba ya nae; a fatsa dikgong tsa setlhabelo sa phiso; a tloga a ya kwa felong fa Modimo o go mmoleletseng. 4Ka letsatsi la boraro Aborahame a tsholetsa matlho, a bona felo foo kgakala. 5Ke fa Aborahame a raya batlhanka ba gagwe a re: “Salang fa le esele, mme nna le mosimane re tla ya fale; e tla re re sena go obamela, re boele kwano go lona.”
6Aborahame a tsaya dikgong tsa setlhabelo sa phiso, a di rwesa Isaka morwawe; a tsaya molelo le thipa ka seatla; bona babedi ba sepela mmogo jalo. 7Ke fa Isaka a raya Aborahame rraagwe a re: “Rra!” A araba a re: “Ke fano, morwaaka!” A ba a botsa a re: “Bona, molelo ke o, dikgong ke tse, mme kwana ya setlhabelo sa phiso e kae?”
8Aborahame a araba a re: “Morwaaka, Modimo o tla ipatlela kwana ya setlhabelo sa phiso.” Bona babedi ba sepela mmogo jalo.
9Ya re ba sena go fitlha kwa felong fa Modimo o go mmoleletseng, Aborahame a aga aletare teng, a aletsa dikgong, a bofa Isaka morwawe, a mmaya mo aletareng mo godimo ga dikgong. 10Aborahame a ntsha letsogo, a tshwara thipa, a re o tlhaba morwawe. 11Ke fa moengele wa Morena a mmitsa a le kwa legodimong a re: “Aborahame! Aborahame!” A araba a re: “Ke fano!”
12A re: “O se ka wa baya letsogo mo mosimaneng, se mo dire sepe! Gonne jaanong ke a itse gore o boifa Modimo, ka o sa nkganela ka morwao yo o esi.”
13Jaanong ya re Aborahame a tsholetsa matlho, a bona phelehu kwa morago ga gagwe, e tshwerwe dinaka mo sekhung. Aborahame a ya teng, a tsaya phelehu, a e dira setlhabelo sa phiso mo boemong jwa ga morwawe. 14Aborahame a taya felo foo leina a re: “Morena-o-bonye”; ke ka moo ba sa ntseng ba bua ba re: “Mo thabeng ya Morena-o-bonye.”
15Moengele wa Morena a bitsa Aborahame la bobedi a le kwa legodimong 16a re: “Morena a re: Ke ikanne ka nna ka re: E re ka o dirile jalo, o sa nkganela ka morwao yo o esi, 17ke tla go tshegofatsa thata, losika lwa gago ke tla lo ntsifatsa gagolo jaaka dinaledi tsa legodimo le jaaka motlhaba o o fa losing lwa lewatle. Losika lwa gago lo tla thopa metse ya baba ba lone. 18Ditšhaba tsotlhe tsa lefatshe di tla tshegofadiwa ka losika lwa gago, ka ntlha ya gore o utlwile lentswe la me.” 19Ya baa gona Aborahame a boelang kwa batlhankeng ba gagwe; ba tloga ba ya mmogo kwa Bereseba. Mme Aborahame a nna teng.
20Ya re morago ga dilo tseo, Aborahame a begelwa ga twe: “Bona, Mileka le ene o belegetse Nahore monnao bana. 21E bong Use, morwawe wa ntlha le Buse monnawe, le Kemuele, rraagwe Arame 22le Kesete le Haso le Philetaše le Itelafe le Bethuele.” 23Mme Bethuele a tsala Rebeka. Mileka a belegela Nahore monnawe Aborahame ba ba robedi bao. 24Mogadingwana wa gagwe yo leina la gagwe e leng Reuma, le ene a belega Teba le Kahame le Thahaše le Maaga.

Currently Selected:

GENESI 22: TSW70

Highlight

Share

Copy

None

Want to have your highlights saved across all your devices? Sign up or sign in