YouVersion Logo
Search Icon

GENESI 8

8
Bokhutlo jwa morwalela
1Jaanong Modimo wa gopola Noa le diphologolo tsotlhe le diruiwa tsotlhe tse di neng di na nae mo mokorong. Modimo wa fokisa phefo mo lefatsheng, mme metsi a ngotlega. 2Ga thibala metswedi ya madiba le maroba a legodimo; le pula e e tswang kwa legodimong ya kgaotsa. 3Metsi a nna a boa, a fokotsega mo lefatsheng; ya re malatsi a le 150 a sena go feta, metsi a nna a ngotlega. 4Ka kgwedi ya bosupa, ka letsatsi la some supa la kgwedi, mokoro wa nna mo thabeng ya Ararate. 5Metsi a nna a ngotlegela pele go ya kgweding ya some; ka la ntlha la kgwedi ya some ga bonala ditlhoa tsa dithaba.
6Ya re malatsi a le 40 a sena go feta gape, Noa a bula fenstere ya mokoro e a e dirileng, 7a ntsha legakabe; lone la tswa, la boaboa go ya metsi a ba a tšhe mo lefatsheng. 8A ba a ntsha leeba, la tloga mo go ene, e le gore a bone, fa metsi a ngotlegile mo lefatsheng. 9Ya re ka leeba le sa bone le fa e le bogato jwa lonao, la boela kwa go ene mo mokorong; gonne metsi a ne a sa ntse a le mo lefatsheng lotlhe. Ke fa a ntsha letsogo, a le tsaya, a le busetsa kwa go ene mo mokorong. 10Ya re a sena go leta malatsi a supa a mangwe, a ntsha leeba gape mo mokorong. 11Leeba leo la boela kwa go ene ka nako ya mantsiboa, la tla le tshotse letlhare le lešwa la setlhare sa olefa ka molomo. Ke fa Noa a lemoga gore metsi a ngotlegile mo lefatsheng. 12A leta malatsi a supa gape, a boela a ntsha leeba, mme lone la se ka la boela gape kwa go ene.
13Ka letsatsi la ntlha la kgwedi ya ntlha ya ngwaga wa 601 metsi a bo a tšhele mo lefatsheng. Ke fa Noa a tlosa thulelo ya mokoro a leba, a fitlhela lefatshe le omile. 14Ka letsatsi la 27 la kgwedi ya bobedi lefatshe la bo le omile.
15Ke fa Modimo o raya Noa o re: 16“Tswaa mo mokorong, wena le mosadi wa gago le bomorwao le betsi ba gago. 17Diphedi tsotlhe tse di nang nao tsa mefutafuta, e bong dinonyane le diruiwa le digagabi tsotlhe tse di gagabang fa fatshe, tswaa natso gore di itsamaele mo lefatsheng, di ate, di ntsifale mo lefatsheng.” 18Ke fa Noa a tswa le bomorwawe le mosadi wa gagwe le betsi ba gagwe. 19Le diphologolo tsotlhe le diruiwa tsotlhe le dinonyane tsotlhe le digagabi tse di gagabang fa fatshe tsa tswa mo mokorong ka fa mefuteng ya tsona.
Tebogo ya ga Noa
20Noa a ba a agela Morena aletare, a tsaya dingwe tsa diruiwa tsa mefutafuta tse di itshekileng le tsa dinonyane tsa mefutafuta tse di itshekileng, a dira ditlhabelo tsa phiso mo aletareng. 21Ke fa Morena a dupa monko o o monate, mme Morena a bua mo pelong ya gagwe a re: “Ga nkitla ke tlhola ke hutsa lefatshe gape ka ntlha ya motho; gonne dikakanyo tsa pelo ya motho di bosula go tswa bonyaneng jwa gagwe. Ga nkitla ke tlhola ke bolaya tsotlhe tse di phelang gape jaaka ke dirile. 22Ka metlha yotlhe ya lefatshe ga go kitla go khutla go jwala le go roba, le letsididi le mogote, le selemo le mariga, le motshegare le bosigo.”

Currently Selected:

GENESI 8: TSW70

Highlight

Share

Copy

None

Want to have your highlights saved across all your devices? Sign up or sign in