Genese 36
36
KHAOLO 36.
1MI yana, tse ki litsika tsa ga Esaue, eo e leñ Edome.
2Esaue a tsaea basari ba gague ba bomoroarie Kanana; eboñ Ade moroaria Eloe Mohita, le Aholibame moroaria Ane, moroaria Tsibeone Moheva.
3Le Basheme moroaria Ishemaele, khantsaria Nebayote.
4Mi Ade a tsala le Esaue Elifase; mi Basheme a tsala nae Reuele.
5Mi Aholibame a tsala Yeushe, le Yalame, le Korahe: bauo ki bomoroa Esaue, ba o la ba tsala mo hatsiñ ya Kanana.
6¶ Mi Esaue a tsaea basari ba gague, le bomoroaue, le bomoroarie, le bathu botle ba eintlu ea gague, le lithuo tsa gague, le likhomu tsa gague cotle, le lithoto tsa gague cotle, tse o la li bapala mo hatsiñ ya Kanana; mi a ea hatsiñ le sele, a coa ha pele ga Yakobe.
7Gone lohumo loa bona lo le logolu bogolu go nna mogo; mi lehatsi ya boeñ yoa bona ya bo le sa ba lekana ka ntla ea lithuo tsa bona.
8Esaue a nna yalo mo thabeñ ea Seira. Esaue ki Edome.
9¶ Mi tse ki litsika tsa ga Esaue ra Baedoma mo thabeñ ea Seira.
10Ua ki maina a bomoroa Esaue; eboñ Elifase moroa Ade mogatsa Esaue, le Reuele moroa Basheme mogatsa Esaue.
11Mi bomoroa Elifase e le le Temane, le Omare, le Tsefoe, le Gatame, le Kenase.
12Mi Timene e le le mogariñuana oa ga Elifase moroa Esaue; mi a tsala le Elifase Ameleke; bauo e le le bomoroa Ade, mogatsa Esaue.
13Mi ba ki bomoroa Reuele, eboñ Nahate, le Serahe, le Shame, le Mise; bauo e le le bomoroa Bashemate mogatsa Esaue.
14Mi ba e le le bomoroa Aholibame, moroaria Ane, moroaria Tsibeone, mogatsa Esaue: mi a tsala le Esaue Yeushe, le Yalame, le Korahe.
15¶ Ba ki likhosana tsa bomoroa Esaue: bomoroa Elifase oa burure oa ga Esaue; e le le Temane khosana, le Omare khosana, le Tsefoe khosana, le Kenase khosana.
16Le Korahe khosana, le Gatame khosana, le Ameleke khosana: tseuo ki likhosana tsa ga Elifase mo hatsiñ ya Edoma: bauo e le le bomoroa Ade.
17Mi ba ki bomoroa Reuele moroa Esaue; eboñ Nahate khosana, le Sere khosana, le Shame khosana, le Mise khosana: bauo ki likhosana tsa ga Reuele mo hatsiñ ya Edoma; bauo ki bomoroa Basheme mogatsa Esaue.
18Mi ba ki bomoroa Aholibame mogatsa Esaue; eboñ Yeushe khosana, le Yalame khosana, le Korahe khosana; bauo ki likhosana tsa ga Aholibame moroaria Ane, mogatsa Esaue.
19Bauo ki bomoroa Esaue, eo e leñ Edome, mi bauo ki likhosana tsa bona.
20¶ Ba ki bomoroa Seire Mohora, ba ba le ba nna mo hatsiñ ye; eboñ Lotane, le Shobale, le Tsibeone, le Ane.
21Le Dishone, le Etsere, le Dishane: bauo ki likhosana tsa Bahora, bana ba ga Seire mo hatsiñ ya Edoma,
22Mi bana ba ga Lotane e le le Hore, le Hemane; mi khantsaria Lotane e le le Timene.
23Mi bana ba ga Shobale, e le le ba; eboñ Alevane, le Manahate, le Ebale, le Sefoe, le Oname.
24Mi ba ki bana ba ga Tsibeone; eboñ Aye, le Ane; Ane eo ki ena eo o la bona limule mo bogareñganaga, ka a hurisa liesela tsa ga Tsibeone rague.
25Mi ba ki bana ba ga Ane; Dishone, le Aholibame moroaria Ane.
26Mi ba ki bana ba ga Dishone; eboñ Hemedane, le Eshebane, le Iterane, le Kerane.
27Bana ba ga Esere ki ba; eboñ Bilehane, le Savane, le Akane.
28Bana ba ga Dishane ki ba; eboñ, Utse, le Arane.
29Likhosana tsa Bahora ki tse; eboñ Lotane khosana, le Shobale khosana, le Tsibeone khosana, le Ane khosana,
30Le Dishone khosana, le Esere khosana, le Dishane khosana: tseuo ki likhosana tsa Bahora, mo khosaneñ tsa bona mo hatsiñ ya Seira.
31Mi tse ki likhosi tse ri tsa busa mo hatsiñ ya Edoma, pele go e si go buse khosi epe mo baneñ ba Yeserele.
32Mi Bele moroa Beore a busa mo Edoma; mi leina ya motse oa gague ya birioa Dinchaba.
33Mi Bele a shua, mi Yobabe moroa Sere oa Botsera a busa bonnoñ yoa gague.
34Mi Yobabe a shua, mi Hushame oa hatsi ya Batimana a busa bonnoñ yoa gague.
35Mi Hushame a shua, mi Hadade moroa Bedade, eo o la khemetha Midiane mo nageñ ea Moaba, a busa bonnoñ yoa gague: mi leina ya motse oa gague, e le le Avita.
36Mi Hadade a shua, mi Samele oa Masereka a busa bonnoñ yoa gague.
37Mi Samele a shua, mi Saule oa Rehobota ha molapoñ a busa bonnoñ yoa gague.
38Mi Saule a shua, mi Balehanane moroa Akebore a busa bonnoñ yoa gague.
39Mi Balehanane moroa Akebore a shua, mi Hadare a busa bonnoñ yoa gague: mi leina ya motse oa gague e le le Paua; mi leina ya ga mogatse e le le Mehetabele, moroaria Materede, moroaria Me‐sahabe.
40¶ Mi maina ua ki a likhosana tsa ga Esaue, kaha tsikeñ tsa cona, le kaha maheloñ a cona, ka maina a cona; eboñ Timene khosana, le Aleve khosana, le Yetete khosana,
41Le Aholibame khosana, le Ele khosana, le Pinone khosana,
42Le Kenase khosana, le Temane khosana, le Mibetsare khosana,
43Le Magadiele khosana, le Irame khosana: bauo ki likhosana tsa ga Edoma, kaha maagoñ a cona, mo hatsiñ ya boshua yoa bona; ki ena Esaue ra Baedoma.
Currently Selected:
Genese 36: TSN1890
Highlight
Share
Copy

Want to have your highlights saved across all your devices? Sign up or sign in
this is a historical text maintained by the British and Foreign Bible Society