YouVersion Logo
Search Icon

MAREKO 8

8
Jesu o jesa ba ba 4 000
(Math 15:32-39)
1E ne ya re mo metlheng eo, go bile go le bontsi jo bogolo jwa batho, mme ba se na se ba se jang, a ipiletsa barutwa ba gagwe, a ba raya a re: 2“Ke tlhomogela batho ba bantsi ba pelo, gonne go fetile malatsi a le mararo ba ntse ba tlhotse le nna, mme ba se na se ba se jang? 3E tlaa re fa ke ba tsamaisetsa kwa magaeng a bone ka tlala, ba tlaa dimelela mo tseleng, ka ba bangwe ba bile ba tswa kgakala.”
4Barutwa ba gagwe ba mo fetola ba re: “Ana dinkgwe tse di ka lekanang go kgorisa batho ba di tlaa bo di tswa kae fano, mo gare ga naga fela?”
5A ba botsa a re: “Lo na le dinkgwe di le kae?” Ba re: “Di supa.”
6A laola batho ba bantsi go dula fa fatshe, mme a tsaya dinkgwe tse supa, mme ya re a sena go leboga a di ngathoganya, a di neela barutwa gore ba di beye fa pele ga batho; mme ba di baya fa pele ga batho ba bantsi. 7Ba bo ba na le ditlhatswana di se kae, ya re a sena go di segofatsa, a laola gore le tsone di bewe fa pele ga bone. 8Ba ja, ba kgora; mme ba sela dikabetla tse di setseng, ba tlatsa diroto di supa. 9Ba bo ba ka ne ba le 4 000; mme a ba tsamaisa. 10Mme a akofa a tsena mo mokorong le barutwa ba gagwe, a tla mo dintlheng tsa Dalemanutha.
Bafarisai ba batla sesupo se se tswang legodimong
(Math 16:1-4)
11 Mme Bafarisai ba tswa, ba simolola go tatalalana nae, ba batla sesupo mo go ene se se tswang legodimong, ba mo lalela. 12 Mme a fegelwa thata mo moweng a re: “Ana losika lo, lo batlelang sesupo? Ammaaruri ke a lo raya, losika lo ga lo ketla lo newa sesupo sepe.” 13Mme a ba tlogela, a tsena mo mokorong, a boela kwa moseja.
Sebediso sa Bafarisai le sa ga Herote
(Math 16:5-12)
14Ba lebala go tshola mofago, le mo mokorong ba bo ba se na sepe fa e se senkgwe se le sengwe fela. 15 Mme a ba laya a re: “Lo tlhokomele, lo itise mo sebedisong sa Bafarisai, le mo sebedisong sa ga Herote.”
16Ba tseisanya kgang ba re: “Ke ka go bo re se na senkgwe.”
17Jesu ka a go lemoga a re: “Lo tseisanyetsang kgang ka go bo lo se na senkgwe? A ga lo ise lo lemoge, le fa e le go tlhaloganya? A dipelo tsa lona di kgwaraletse fela? 18 Lo re lo na le matlho, a ga lo bone? Lo re lo na le ditsebe, a ga lo utlwe? A ga lo gakologelwe? 19E rile ke ngathoganyetsa ba ba 5 000 dinkgwe tse tlhano, lo ne lwa tlatsa diroto di le kae ka dikabetla tse lo di setseng?” Ba mo raya ba re: “Di le 12.”
20“Ya re mo dinkgweng tse di supang tsa ba ba 4 000, lo ne lwa tlatsa diroto di le kae ka dikabetla tse lo di setseng?” Ba mo raya ba re: “Di supa.”
21A ba raya a re: “A lo sa ntse lo ise lo tlhaloganye?”
Go fodisiwa sefofu sa Bethesaita
22Ba tla ba fitlha mo Bethesaita. Mme ba tlisa kwa go ene monna wa sefofu, ba mo rapela thata gore a mo ame. 23Mme a tshwara monna wa sefofu ka seatla, a mo gogela kwa ntle ga motsana; ya re a sena go mo kgwela mathe mo matlhong le go mmaya diatla, a mmotsa a re: “A o bona sengwe?”
24A lelala a re: “Ke bona batho; ke ba bona e kete ditlhare, ba a tsamaya.”
25Foo a mmaya diatla gape mo matlhong, mme a leba ka tlhomamo, a fodisiwa, a bona dilo tsotlhe sentle fela. 26Mme a mo tsamaisetsa kwa ga gagwe kwa gae a re: “O se ka wa tsena le fa e le mo motsaneng o.”
Polelo ya ga Petere ka ga Jesu
(Math 16:13-20; Luke 9:18-21)
27Mme Jesu a tswela kwa metsaneng ya Kaesarea Filipi, a na le barutwa ba gagwe. Ya re mo tseleng a botsa barutwa ba gagwe a re: “Ana batho ba tle ba re nna ke mang?”
28 Ba mo raya ba re: “Johane Mokolobetsi; bangwe ba re: Elija; mme ba bangwe ba re: mongwe wa baperofeti.”
29 A ba botsa a re: “Mme lona lwa re ke mang?” Petere a mo fetola a re: “O ene Keresete.”
30Mme a ba laya go re ba se bolelele ope ka ga gagwe.
Jesu o bolela ka ga dipogo le loso lwa gagwe
(Math 16:21-28; Luke 9:22-27)
31A simolola go ba ruta fa Morwa Motho a na le go bogisiwa dilo di le dintsi, le go ganwa ke bagolwane, le ke ditlhogo tsa baperesiti, le ke bakwadi, le gone fa a tlaa bolawa, mme morago ga malatsi a le mararo a tlaa ba a tsoga. 32Lefoko le a le buela kwa ntle fela. Mme Petere a mo tsaya, a simolola go mo omanya. 33Mme ene a retologa, ya re a bona barutwa ba gagwe, a omanya Petere a re: “Tloga fa pele ga me, Satane, gonne ga o tlhokomele dilo tse e leng tsa Modimo, fa e se tsa batho fela.”
34 A ipiletsa bontsi jwa batho, ba na le barutwa ba gagwe, a ba raya a re: “Fa motho mongwe le fa e le mang a rata go ntshala morago, a a iitatole, a tseye mokgoro wa gagwe, a itse go ntshala morago, 35 gonne le fa e le mang yo o ratang a ka bo a boloka botshelo jwa gagwe, bo tlaa mo latlhegela; mme le fa e le mang yo o latlhegela; mme le fa e le mang yo o latlhegelwang ke botshelo jwa gagwe ka ntlha ya me, le ka ntlha ya Mafoko a a Molemo, o tlaa bo boloka. 36Gonne go ka thusa motho eng, fa a fenya lefatshe lotlhe, mme a latlha botshelo jwa gagwe? 37Motho o ka ntsha eng, a se baya mo boemong jwa botshelo jwa gagwe? 38Gonne le fa e le mang yo o tlaa ntlhabelwang ke ditlhong, le mafoko a me a a tlhabelwa ke ditlhong, mo losikeng lo lwa boaka le boleo, Morwa Motho le ene o tlaa mo tlhabelwa ke ditlhong, mogang o tlang ka kgalalelo ya ga rraagwe, a na le baengele ba ba boitshepo.”

Currently Selected:

MAREKO 8: TSW08NO

Highlight

Share

Copy

None

Want to have your highlights saved across all your devices? Sign up or sign in