1
Johane 5:24
Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha
“Ke bua ke gatelela gore mongwe yo o reetsang molaetsa wa me a bo a dumela mo Modimong o o nthomileng, o na le botshelo jo bo sa khutleng, mme ga a na go sekisiwa ka ntlha ya dibe tsa gagwe, gonne o setse a dule mo losong a tsenye mo botshelong.
比較
Johane 5:24で検索
2
Johane 5:6
Erile fa Jesu a mmona ebile a itse lobaka lo a saleng a lwala ka lone a mmotsa a re, “A o batla go fola?”
Johane 5:6で検索
3
Johane 5:39-40
Lo phuruphutsa dikwalo tsa tumelo, gonne lo dumela gore di lo naya botshelo jo bo sa khutleng. Mme dikwalo di raya nna! “Mme ga lo tle kwa go nna gore ke lo neye botshelo jo jo bo sa khutleng!
Johane 5:39-40で検索
4
Johane 5:8-9
Mme Jesu a mo raya a re, “Nanoga, phutha phate ya gago o ye gae!” Ka bonako monna a fola! A phutha phate a simolola go tsamaya! Mme go ne go le letsatsi la Sabata fa kgakgamatso e e diragala. Mme baeteledipele ba Sejuta ba nna kgatlhanong le tiro eo.
Johane 5:8-9で検索
5
Johane 5:19
Mme Jesu a fetola a re, “Ga go na sepe se Morwa a ka se dirang ka boene. O dira fela se a bonang Rara a se dira, ka tsela e e tshwanang.
Johane 5:19で検索
ホーム
聖書
読書プラン
ビデオ