1
GENESI 1:26-27
Setswana 1970
Modimo wa fela o re: “A re direng batho ka fa setshwanong sa rona ba ba tshwanang le rona gore ba laole ditlhapi tsa lewatle le dinonyane tsa legodimo le diruiwa le lefatshe lotlhe le dilo tsotlhe tse di gagabang fa fatshe.” Jaanong Modimo wa tlhola batho ka fa setshwanong sa ona, wa ba tlhola ka fa setshwanong sa Modimo; wa ba tlhola e le monna le mosadi.
比較
GENESI 1:26-27で検索
2
GENESI 1:28
Modimo wa ba tshegofatsa, Modimo wa ba raya wa re: “Atang lo ntsifale, lo tlale ka lefatshe, lo le laole, lo buse ditlhapi tsa lewatle le dinonyane tsa legodimo le diphedi tsotlhe tse di gagabang fa fatshe.”
GENESI 1:28で検索
3
GENESI 1:1
Modimo o tlhodile legodimo le lefatshe mo tshimologong.
GENESI 1:1で検索
4
GENESI 1:2
Lefatshe la bo le tobekanye, le se na sepe, go le lefifi godimo ga bodiba; Mowa wa Modimo o kala mo godimo ga metsi.
GENESI 1:2で検索
5
GENESI 1:3
Modimo wa re: “A go nne lesedi!” Mme lesedi la nna teng.
GENESI 1:3で検索
6
GENESI 1:31
Jaanong Modimo wa leba dilo tsotlhe tse o di dirileng, wa fitlhela di le molemo thata. Mme ga nna mantsiboa ga ba ga nna moso, e le letsatsi la borataro.
GENESI 1:31で検索
7
GENESI 1:4
Modimo wa bona lesedi fa le le molemo. Ke fa Modimo o kgaoganya lesedi le lefifi
GENESI 1:4で検索
8
GENESI 1:29
Modimo wa ba wa re: “Bonang, ditlhogi tsotlhe tse di nang le peo tse di mo lefatsheng lotlhe le ditlhare tsotlhe tsa maungo a a nang le peo ke di lo naya gore e nne dijo tsa lona.
GENESI 1:29で検索
9
GENESI 1:5
wa bitsa lesedi “Motshegare”, lefifi lone wa le bitsa “Bosigo”. Mme ga nna mantsiboa, ga ba ga nna moso, e le letsatsi la ntlha.
GENESI 1:5で検索
10
GENESI 1:6
Modimo wa ba wa re: “A go nne loapi fa gare ga metsi! A lo kgaoganye metsi.” Mme ga dirafala jalo.
GENESI 1:6で検索
11
GENESI 1:30
Mme fa e le diphedi tsotlhe tsa lefatshe le dinonyane tsotlhe tsa legodimo le dilo tsotlhe tse di gagabang fa fatshe tse di nang le mowa wa bophelo tsona ke di naya ditlhogi tsotlhe tse ditala go nna dijo tsa tsona.” Mme ga nna jalo.
GENESI 1:30で検索
12
GENESI 1:14
Modimo wa ba wa re: “A go nne masedi mo loaping lwa legodimo a a kgaoganyang motshegare le bosigo, a a dirang ditshupo le dipaka tse di laotsweng le malatsi le dinyaga.
GENESI 1:14で検索
13
GENESI 1:11
Modimo wa ba wa re: “A lefatshe le tlhoge botala jo bonana, e bong merogo e e nang le peo le ditlhare tse di ungwang maungo mo lefatsheng ka fa mefuteng ya tsona, a peo ya tsona e leng mo teng ga one.” Mme ga dirafala jalo.
GENESI 1:11で検索
14
GENESI 1:7
Modimo wa dira loapi go kgaoganya metsi a a kwa tlase ga loapi le metsi a a kwa godimo ga loapi.
GENESI 1:7で検索
15
GENESI 1:12
Ke fa lefatshe le tlhoga botala jo bonana, e bong merogo e e nang le peo ka fa mefuteng ya yona, le ditlhare tse di ungwang maungo ka fa mefuteng ya tsona a peo ya tsona e leng mo teng ga ona. Modimo wa bona, fa go le molemo.
GENESI 1:12で検索
16
GENESI 1:16
Modimo wa dira masedi a magolo a le mabedi; lesedi le legolo e le le le laolang motshegare; lesedi le lebotlana e le le le laolang bosigo; le dinaledi wa di dira.
GENESI 1:16で検索
17
GENESI 1:9-10
Modimo wa ba wa re: “A metsi a a kwa tlase ga legodimo a phuthegele kwa felong go le gongwe gore go bonale mmu o o omileng.” Mme ga dirafala jalo. Modimo wa bitsa mmu o o omileng “Lefatshe”, phuthegelo ya metsi yona wa e bitsa “Lewatle”. Modimo wa bona, fa go le molemo.
GENESI 1:9-10で検索
18
GENESI 1:22
Le gona wa di tshegofatsa wa re: “Atang lo ntsifale lo tlale mo metsing a lewatle! Le dinonyane a di ate mo lefatsheng!”
GENESI 1:22で検索
19
GENESI 1:24
Modimo wa ba wa re: “A lefatshe le ntshe diphedi ka fa mefuteng ya tsona, e leng diruiwa le digagabi le diphologolo tsa naga ka fa mefuteng ya tsona.” Mme ga dirafala jalo.
GENESI 1:24で検索
20
GENESI 1:20
Modimo wa ba wa re: “A go nyeule bontsi jwa dilonyana tse di phelang mo metsing; le dinonyane di fofe kwa godimo ga lefatshe fa tlase ga loapi lwa legodimo!”
GENESI 1:20で検索
21
GENESI 1:25
Modimo wa dira diphologolo tsa naga ka fa mefuteng ya tsona le diruiwa ka fa mefuteng ya tsona le digagabi tsotlhe tsa naga ka fa mefuteng ya tsona. Modimo wa bona, fa go le molemo.
GENESI 1:25で検索
ホーム
聖書
読書プラン
ビデオ