1
LUKA 17:19
Setswana 1970
Jaanong a mo raya a re: “Nanoga o tsamae; tumelo ya gago e go pholositse.”
ஒப்பீடு
LUKA 17:19 ஆராயுங்கள்
2
LUKA 17:4
Fa a go leofela gasupa ka letsatsi, mme a boela gasupa kwa go wena a re: ‘Ke a ikwatlhaya,’ o mo itshwarele.”
LUKA 17:4 ஆராயுங்கள்
3
LUKA 17:15-16
Fa jaanong mongwe wa bone a bona gore o fodisitswe, a boa, a galaletsa Modimo ka lentswe le legolo, a ba a wela fa fatshe ka sefatlhego fa dinaong tsa gagwe, a mo leboga; mme yoo ya bo e le Mosamaria.
LUKA 17:15-16 ஆராயுங்கள்
4
LUKA 17:3
Itiseng! “E re fa mokaulengwe wa gago a leofa, o mo kgalemele; mme fa a ikwatlhaya, o mo itshwarele.
LUKA 17:3 ஆராயுங்கள்
5
LUKA 17:17
Mme Jesu a araba a re: “A ga go a fodisiwa ba le some? Ba ba robongwe ba kae?
LUKA 17:17 ஆராயுங்கள்
6
LUKA 17:6
Mme Morena a re: “Fa lo ka bo lo na le tumelo e e kana ka tlhaka ya peo ya mmasetete, lo ne lo ka raya setlhare se sa mmurubele lo a re: ‘Kumoga o itlhome mo lewatleng!’ mme se ka lo utlwa.
LUKA 17:6 ஆராயுங்கள்
7
LUKA 17:33
Motho yo o batlang go boloka bophelo jwa gagwe o tla latlhegelwa ke jona; mme yo o latlhegelwang ke jona, o tla bo tsalelwa sešwa.
LUKA 17:33 ஆராயுங்கள்
8
LUKA 17:1-2
Jaanong a raya barutwa ba gagwe a re: “Dikgopiso ga di ka ke tsa thibelwa go tla; mme go latlhega yo di tlang ka ene. Go ka nna botoka mo go ene, fa lolwala lo ka gokelelwa mo molaleng wa gagwe, mme a digelwa mo lewatleng, bogolo go gore a kgopise mongwe wa ba babotlana ba.
LUKA 17:1-2 ஆராயுங்கள்
9
LUKA 17:26-27
Mo malatsing a Morwa-Motho go tla nna fela jaaka go kile ga dirafala mo malatsing a ga Noa: Ba ne ba ja, ba nwa, ba nyala, ba nyalwa, go tla go fitlha mo letsatsing le Noa o tsenyeng mo arekeng ka lone, mme morwalela wa tla, wa ba nyeletsa botlhe.
LUKA 17:26-27 ஆராயுங்கள்
முகப்பு
வேதாகமம்
வாசிப்புத் திட்டங்கள்
காணொளிகள்