1
LUKA 6:38
Setswana 1970
Nayang, mme lo tla newa. Selekanyo se se molemo, se se katetsweng, se se kgotlhokgoditsweng, se se tshologang, ba tla se lo naya mo dihubeng tsa lona; gonne selekanyo se lo lekanyang ka sona, lo tla be lo lekanyediwa ka sona.”
ஒப்பீடு
LUKA 6:38 ஆராயுங்கள்
2
LUKA 6:45
Motho yo o molemo o ntsha se se molemo mo lohumong lo lo molemo lwa pelo ya gagwe; mme yo o bosula o ntsha se se bosula mo lohumong lo lo bosula; gonne se se tletseng ka pelo se tshologa ka molomo.
LUKA 6:45 ஆராயுங்கள்
3
LUKA 6:35
Mme ratang baba ba lona, dirang molemo, ba adimeng fela, lo sa solofele sepe, mme tuelo ya lona e tla nna kgolo, lo tla nna bomorwa Mogodimodimo. Gonne ene o pelontle mo go ba ba sa lebogeng le mo go ba ba bosula.
LUKA 6:35 ஆராயுங்கள்
4
LUKA 6:36
Nnang kutlwelo-botlhoko, fela jaaka Rraeno a le kutlwelo-botlhoko.
LUKA 6:36 ஆராயுங்கள்
5
LUKA 6:37
“Le gona, lo se ka lwa atlhola, mme ga lo nke lo atlholwa. Se boneng ope molato, mme ga lo nke lo bonwa molato. Itshwareleng, mme lo tla itshwarelwa.
LUKA 6:37 ஆராயுங்கள்
6
LUKA 6:27-28
“Mme lona ba lo reeditseng, ke lo raya ke re: “Ratang baba ba lona; ba ba lo tlhoileng lo ba direleng molemo. Tshegofatsang ba ba lo hutsang, lo rapelele ba ba lo kgobang.
LUKA 6:27-28 ஆராயுங்கள்
7
LUKA 6:31
Direlang batho fela jaaka lo rata ba lo direla.
LUKA 6:31 ஆராயுங்கள்
8
LUKA 6:29-30
Yo o go fapholang mo lesameng lengwe, o mo neele le le lengwe; yo o go tseelang kobo, le yona kojwana o se ka wa gana ka yona. Naya mongwe le mongwe yo o go kopang; yo o go tseelang tsa gago, o se ka wa di batla gape mo go ene.
LUKA 6:29-30 ஆராயுங்கள்
9
LUKA 6:43
“Gonne ga go na setlhare se se siameng se se a tleng se ungwe leungo le le bosula; le gona, ga go setlhare se se sa siamang se se a tleng se ungwe leungo le le monate.
LUKA 6:43 ஆராயுங்கள்
10
LUKA 6:44
Kana setlhare sengwe le sengwe se itsiwe ka leungo le e leng la sona. Gonne ga go ke go fulwa difeie mo ditlhareng tse di mitlwa, le gona ga go ke go fulwa leungo la moweine mo mosung.
LUKA 6:44 ஆராயுங்கள்
முகப்பு
வேதாகமம்
வாசிப்புத் திட்டங்கள்
காணொளிகள்