1
GENESISE 22:14
BAEBELE e e Boitshepo
Aberahame a raya felo foo leina a re, Monei; jaaka go tle go buiwe le gompieno go twe, “Mo thabeng ya ga Jehofa-o-a-naya”.
ஒப்பீடு
GENESISE 22:14 ஆராயுங்கள்
2
GENESISE 22:2
Wa re: “Tsaya morwao jaana, morwao yo o esi, yo o mo ratang, e bong Isake, o ye kwa lefatsheng la Moria, o mo dire tshupelo ya phiso gone, mo thabeng nngwe e ke tlaa e go bolelelang.”
GENESISE 22:2 ஆராயுங்கள்
3
GENESISE 22:12
A re: “O se ka wa baya mosimane seatla sa gago, le gone o se ka wa mo dira sepe; ka jaanong ke a itse fa o boifa Modimo, ka e le fa o se ka wa gana ka morwao yo o esi, fa ke mo tsaya.”
GENESISE 22:12 ஆராயுங்கள்
4
GENESISE 22:8
Aberahame a re: “Morwaaka, Modimo o tlaa ipatlela kwanyana ya tshupelo ya phiso.” Jalo ba tsamaya mmogo boo babedi.
GENESISE 22:8 ஆராயுங்கள்
5
GENESISE 22:17-18
ke tlaa go segofatsa, ke ntsifatsa losika lwa gago jaaka dinaledi tsa legodimo, le jaaka mošawa o o mo dintshing tsa lewatle. Losika lwa gago lo tlaa rua kgoro ya metse ya baba ba lona. Merafe yotlhe ya lefatshe e tlaa segofala mo losikeng lwa gago, ka o utlwile lentswe la me.”
GENESISE 22:17-18 ஆராயுங்கள்
6
GENESISE 22:1
Ga dirala ya re morago ga dilo tse, Modimo wa leka Aberahame, wa mo raya wa re: “Aberahame!” A araba a re: “Ke fano.”
GENESISE 22:1 ஆராயுங்கள்
7
GENESISE 22:11
mme moengele wa ga Jehofa a mmitsa a le kwa legodimong a re: “Aberahame, Aberahame!” A re: “Ke fano.”
GENESISE 22:11 ஆராயுங்கள்
8
GENESISE 22:15-16
Moengele wa ga Jehofa a bitsa Aberahame lwa bobedi a le kwa legodimong a re: “Ke ikanne ka nna ka nosi, go bua Jehofa, ka o dirile selo se, wa se ka wa gana ka morwao yo o esi
GENESISE 22:15-16 ஆராயுங்கள்
9
GENESISE 22:9
Ba tla ba fitlha felong kwa Modimo o go mmoleletseng. Aberahame a aga sebeso gone, a rulaganya dikgong, a golega Isake morwawe, a mmaya mo sebesong mo godimo ga dikgong.
GENESISE 22:9 ஆராயுங்கள்
முகப்பு
வேதாகமம்
வாசிப்புத் திட்டங்கள்
காணொளிகள்