YouVersion Logo
Search Icon

GENESI 12

12
Aborame o laelwa gore a hudugele kwa Kanana
1Jaanong Morena a raya Aborame a re: “Tloga o tswe mo lefatsheng la ga eno, o tlogele ba ga eno le lelapa la ga rraago, o ye kwa lefatsheng le ke tla le go bontshang. 2Ke tla go dira setšhaba se segolo, ke go tshegofatsa, ke tumisa leina la gago gore o nne tshegofatso.
3“Ke tla tshegofatsa
ba ba go tshegofatsang,
ke hutsa ba ba go hutsang;
ditshika tsotlhe tsa lefatshe
di tla tshegofadiwa ka wena.”
4Ke fa Aborame a tloga jaaka Morena a mo laetse. Lote a ya nae. Ya re Aborame a huduga kwa Harane, a bo a le dinyaga di le 75. 5Aborame a tsaya Sarai, mosadi wa gagwe, le Lote, morwa monnawe, le dithuo tsa bone tse ba di bonyeng le makgoba a ba a rekileng kwa Harane. Ba huduga go ya kwa lefatsheng la Kanana, ba be ba fitlha kwa lefatsheng la Kanana. 6Aborame a ralala lefatshe leo go fitlha kwa felong ga Šegeme le kwa setlhareng sa motherebinthe sa boitseanape. Mo metlheng eo ga bo go le Bakanana mo lefatsheng leo. 7Ke fa Morena a iponatsa mo go Aborame a re: “Lefatshe le ke tla le naya ba losika lwa gago.” Jaanong Aborame a agela Morena yo o iponaditseng mo go ene aletare gona. 8A ba a tloga teng, a ya kwa dithabeng tse di mo ntlheng ya botlhabatsatsi ya Bethele, a tlhoma tente ya gagwe teng, Bethele a le kwa bophirimatsatsi, mme Ai a le kwa botlhabatsatsi. Le gona moo a agela Morena aletare, a bitsa leina la Morena. 9Morago ga moo Aborame a fetela pele, a ntse a tsamaela kwa borwa.
10Go kile ga nna leuba mo lefatsheng leo, ke fa Aborame a ya kwa Egepeto go jaka gona; gonne leuba le ne le le legolo mo lefatsheng leo. 11Jaanong ya re a le gaufi le go tsena mo Egepeto, a raya Sarai, mosadi wa gagwe, a re: “Kana o mosadi yo montle. 12Jaanong e tla re Baegepeto ba go bona, ba re: ‘Ke ene mosadi wa gagwe,’ mme ba tla mpolaya, wena ba go lesa o phela. 13O tle o ba ree o re, o kgaitsadiake gore ke tle ke tsholege ka ntlha ya gago, ke phele ka lebaka la gago.” 14Jaanong ya re Aborame a tsena kwa Egepeto, Baegepeto ba bona mosadi ba re, o montle thata. 15Le dikgosana tsa ga Farao tsa mmona, tsa mmoka fa pele ga Farao; ke fa mosadi yoo a isiwa kwa ntlong ya ga Farao. 16Ene a direla Aborame tse di molemo ka ntlha ya gagwe, a bona dinku le dikgomo le diesele le makgoba a banna le a basadi, le diesele tse dinamagadi le dikammele.
17Mme Morena a otla Farao le ba lapa la gagwe ka dikotlo tse dikgolo ka ntlha ya ga Sarai, mosadi wa ga Aborame. 18Ke fa Farao a bitsa Aborame a re: “Ke eng se o se ntiretseng? Ke ka ntlha ya eng fa o sa mpolelela gore ke mosadi wa gago? 19Ke ka ntlha ya eng fa o ne wa re: ‘Ke kgaitsadio’? Ka ba ka mo tsaya gore e nne mosadi wa me. Mme jaanong, bona, mosadi wa gago ke yo, mo tsee, o tsamae.” 20Ke fa Farao a roma banna gore ba mo felegetse le mosadi wa gagwe le tsotlhe tse a nang natso.

Currently Selected:

GENESI 12: TSW70

Highlight

Share

Copy

None

Want to have your highlights saved across all your devices? Sign up or sign in