YouVersion Logo
Search Icon

GENESI 13

13
Aborame o kgaogana le Lote
1Aborame a tloga jalo kwa Egepeto, ene le mosadi wa gagwe le tsotlhe tse a nang natso, a boela kwa nageng ya borwa ya Kanana, Lote a ntse a na nae. 2Aborame a bo a humile thata, a na le diruiwa le selefera le gouta. 3A nna a tsamaya ka go tloga fa le go nna fale, go tswa kwa borwa go ya go fitlha kwa Bethele, kwa felong fa tente ya gagwe e neng e le teng mo tshimologong fa gare ga Bethele le Ai, 4kwa felong ga aletare e a neng a e dirile teng pele. Aborame a ba a bitsa leina la Morena teng.
5Mme Lote yo o neng a tsamaya le Aborame, le ene o ne a na le dinku le dikgomo le ditente. 6Jaanong lefatshe la bo le sa ba lekane go ka nna mmogo, gonne dithuo tsa bone di ne di le dikgolo; ka moo ba palelwa ke go nna mmogo. 7Ga ba ga tsoga kgang fa gare ga badisa ba diruiwa tsa ga Aborame le badisa ba diruiwa tsa ga Lote. Le gona Bakanana le Baferesi ba ne ba nna mo lefatsheng leo ka sebaka seo.
8Ke fa Aborame a raya Lote a re: “A go ko go se nne kgang fa gare ga me le wena, le fa gare ga badisa ba me le badisa ba gago, gonne re bana ba motho. 9Kana lefatshe lotlhe le fa pele ga gago! A ko o kgaogane le nna. Fa o ka ya ntlheng ya la molema, ke tla ya ntlheng ya le le jang; mme fa o ka ya ntlheng ya le le jang, ke tla ya ntlheng ya la molema.”
10Ke fa Lote a tsholetsa matlho a bona lebala lotlhe la Joretane e le naga e e nang le metsi yotlhe, e tshwana le tshimo ya Morena le lefatshe la Egepeto go fitlha kwa Soare, Morena a ise a senye Sotoma le Gomora. 11Lote a itlhophela lebala lotlhe la Joretane; Lote a hudugela kwa ntlheng ya botlhabatsatsi; motho a kgaogana jalo le mogoloa-rraagwe. 12Aborame a sala mo lefatsheng la Kanana; Lote a ya go nna kwa metseng ya lebala la Joretane, a tsamaya a ntse a tlhomolola a tlhoma ditente tsa gagwe go ya go fitlha kwa Sotoma. 13Mme banna ba Sotoma ba bo ba le bosula, ba leofela Morena thata.
Aborame o hudugela kwa Heberone
14Jaanong ya re Lote a sena go kgaogana nae, Morena a raya Aborame a re: “A ko o tsholetse matlho o ntse o eme foo, o lebe kwa bokone le kwa borwa le kwa botlhabatsatsi le kwa bophirimatsatsi. 15Gonne lefatshe lotlhe le o le bonang, ke tla le go naya le ba losika lwa gago ka bosakhutleng. 16Ke tla atisa losika lwa gago jaaka lerole la lefatshe; ke go re, fa motho a ka kgona go bala lerole la lefatshe, losika lwa gago le lone lo tla nna le go ka balwa. 17Nanoga o ralale lefatshe, o tsamae boleele jwa lone le bophara jwa lone, gonne ke tla le go naya.” 18Ke fa Aborame a huduga ka ditente tsa gagwe, a ya a na fa ditlhareng tsa metherebinthe tsa ga Mamere tse di kwa Heberone, a agela Morena aletare gona.

Currently Selected:

GENESI 13: TSW70

Highlight

Share

Copy

None

Want to have your highlights saved across all your devices? Sign up or sign in