1
Johane 10:10
Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha
Maikaelelo a legodu ke go utswa, le go bolaya le go senya. Mme nna maikaelelo a me ke go aba botshelo jo bo sa khutleng ka letlotlo.
Lee anya n'etiti ihe abụọ
Nyochaa Johane 10:10
2
Johane 10:11
“Ke Modisa yo o Molemo. Modisa yo o molemo o ntshetsa dinku botshelo jwa gagwe.
Nyochaa Johane 10:11
3
Johane 10:27
Dinku tsa me di itse lentswe la me, le nna ke a di itse, mme dintshala morago.
Nyochaa Johane 10:27
4
Johane 10:28
Ke di naya botshelo jo bo sa khutleng mme ga di kitla di nyelela. Ga gona ope yo o tlaa di phamolang mo go nna
Nyochaa Johane 10:28
5
Johane 10:9
Ee, ke nna Kgoro. Ba ba tsenang ka Kgoro ba tlaa bolokwa mme ba tlaa tsena ba bo ba tswa mme ba tlaa bona mafulo a matalana.
Nyochaa Johane 10:9
6
Johane 10:14
“Ke Modisa yo o Molemo ebile ke itse dinku tsa me, le tsone di a nkitse.
Nyochaa Johane 10:14
7
Johane 10:29-30
gonne Rara o di nneile, mme o nonofile go feta mongwe le mongwe, jalo he ga go na ope yo o ka di utswang mo go nna. Nna le Rara re selo se le sengwe.”
Nyochaa Johane 10:29-30
8
Johane 10:15
Fela jaaka Rara a nkitse le nna ke itse Rara; jalo ke ntshetsa dinku botshelo jwa me.
Nyochaa Johane 10:15
9
Johane 10:18
Ga go na ope yo o ka mpolayang kwa ntle ga go rata ga me. Ke ntsha botshelo jwa me setlhabelo ka bonna. Gonne ke na le tshwanelo le nonofo ya go bo ntsha setlhabelo fa ke batla le tshwanelo le nonofo ya go bo tsaya gape. Gonne Rara o nneile tshwanelo e.”
Nyochaa Johane 10:18
10
Johane 10:7
Mme a se ba tlhalosetsa a re, “Ke nna Kgoro ya dinku.
Nyochaa Johane 10:7
11
Johane 10:12
Motho yo o thapilweng o tlaa sia a tlogela dinku fa a bona phiri e tla, gonne ga se tsa gagwe ebile ga se modisa wa tsone. Mme jalo phiri e di tlolele e phatlalatse letsomane.
Nyochaa Johane 10:12
12
Johane 10:1
“Le fa e le mang yo o ganang go tsena ka kgoro mo lesakeng la dinku, yo o tlolelang ka lokotswana, o tshwanetse tota a be a le legodu.
Nyochaa Johane 10:1
Ulo
Akwụkwọ Nsọ
Atụmatụ
Vidiyo