1
Johane 13:34-35
Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha
“Jaanong ke lo naya taolo e ncha ka re, ‘Ratanang fela jaaka ke lo ratile.’ Go ratana ga lona mo go kitlaneng go tlaa supegetsa lefatshe gore lo barutwa ba me.”
Lee anya n'etiti ihe abụọ
Nyochaa Johane 13:34-35
2
Johane 13:14-15
Mme ka nna, Morena, le Moruti, ke lo tlhapisitse dinao, lo tshwanetse go tlhapisanya dinao fela jalo. Ke lo neile sekai se lo tshwanetseng go se sala morago: dirang jaaka ke lo diretse.
Nyochaa Johane 13:14-15
3
Johane 13:7
Jesu a fetola a re, “Ka nako e ga o tlhaloganye se ke se dirang, mme o tlaa tlhaloganya ka letsatsi lengwe.”
Nyochaa Johane 13:7
4
Johane 13:16
Go boammaaruri thata jang gore motlhanka ga a mogolo go mong wa gagwe. Le fa e le morongwa ga a mogolo go motho yo o mo romang.
Nyochaa Johane 13:16
5
Johane 13:17
Lo itse dilo tse, jaanong di direng! Ke yone tsela ya matlhogonolo.
Nyochaa Johane 13:17
6
Johane 13:4-5
Mme a tswa fa lomating lwa bojelo, (tafole) a apola seaparo sa gagwe, a thathelela toulo (taole) mo lothekeng, a tshela metsi mo mogotswaneng mme a simolola a tlhapisa barutwa ba gagwe dinao a ba a di phimola ka taole e a neng a ithathile ka yone.
Nyochaa Johane 13:4-5
Ulo
Akwụkwọ Nsọ
Atụmatụ
Vidiyo