1
Johane 8:12
Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha
Mme erile morago, mo go nngwe ya dithero tsa gagwe, Jesu a raya batho a re, “Ke lesedi la lefatshe. Jalo fa lo ntshala moragao, ga lo na go kgotswa mo lefifing, gonne lesedi le le tshelang le tlaa bonesa tsela ya lona.”
Lee anya n'etiti ihe abụọ
Nyochaa Johane 8:12
2
Johane 8:32
mme lo tlaa itse boammaaruri, mme boammaaruri bo tlaa lo golola.”
Nyochaa Johane 8:32
3
Johane 8:30-31
Mme baeteledipele ba Sejuta ba le bantsi ba ba mo utlwileng a bua dilo tse ba simolola go mo dumela fa e le Mesia. Jesu a ba raya a re, “Lo barutwa ba me ba boammaaruri fa lo tshela ka fa ke lo bolelelang ka teng
Nyochaa Johane 8:30-31
4
Johane 8:36
Jalo fa Morwa a lo golola, lo tlaa gololesega tota.
Nyochaa Johane 8:36
5
Johane 8:7
Ba tswelela pele ba batla karabo mo go Jesu, jalo a inamologa a ba raya a re, “Go siame, mo kgobotleng ka matlapa go fitlhela a swa. Mme le gale a konopiwe lwa ntlha ke yo a iseng a ke a leofe.”
Nyochaa Johane 8:7
6
Johane 8:34
Mme Jesu a ba raya a re, “Lo makgoba a sebe, mongwe le mogwe wa lona.
Nyochaa Johane 8:34
7
Johane 8:10-11
Mme Jesu a inamologa gape mme a mo raya a re, “Ba ba go bayang molato ba kae? A le fa e le ope wa bone ga aa go sekisa?” Mme mosadi a fetola a re, “Nnyaa rra.” Mme Jesu a mo raya a re, “Le nna ga ke go sekise. Tsamaya mme o seka wa tlhola o leofa.”
Nyochaa Johane 8:10-11
Ulo
Akwụkwọ Nsọ
Atụmatụ
Vidiyo